Trrrr.... thaaa!!!!
Ya bopa tshetlha ya dipoa thoromisa boeseemang
Ya utlwala gaufi le kgakala meetsa e e tlhatlhabaditse
A lo utlwile ka bagale ba maloba digatlhamela masisi banna ba pelo tsa tau
Matona magolo bagale batswasetlhabelo meepong
Ntwa selo-segolo ba seema pele ba senyegelwa ke botshelo
Go ba tsamaisa ka thobane lore seikokotlelo sa botshelo
Ba pelo dimaswe e rile go bona ba re thee ka meduduetsane
Megolokwane bagolo... pina melodi ya go letswa ke bomailagokgotlhwa
Go sa tshwane le makgarebe a kgakaalelang bakgalaje ba bokgoni bo ikganetseng
kgakalakgakala ka ntlha ya bokgopo le makgakaga tiro tse di maswe tsa go
kgotswelwa ke dikgosikgolo tse di itseng phologolo motho
Tiro tse di thata thoromo thotobolo e thatathata kwa go thibang go thibile go sa tswa
go thibiwa dithobane dithiba di thibile dithabeng dithoteng kwa mathata a leng teng
Go tshela ka bogole ga e se sebe moila selo sa go kgapelwa kwa ntle
Botshegaingate e re seatla se le sengwe se tletse tlogelang bogagapa jwa go tima botsogwana
boralo-otwana tshono ka magatwe a tikanyetso tiro
2. KE GO ROLELA HUTSHE (Performed Live on 'Lebo Le Wena' programme in
Motsweding FM, for 2007 Mother's day
Ke tsholeletsa menagano kwa go mmopi kwa botshelo jwa me bo tlholegang
Go mosireletsi wa makgabunyane montsamaisa botshelo ke mo leboga fa ke atlega
Kgosigadi ka sebele lesolegadi la ntwa tsa bagale o korwe ga o je o bapalela tsetse
O le pelo e bonojana jwa boa jwa katse bosweu bo le twaa ya lebese
Wa nthata ke sa anya letswele wa nduba ke sa le metsi bolao ke robala jwa gago
Fa ke opela opela o mphe bogobe jwa malatsi magodimo a mpulegela ka o ntshwaretse
leswana
Nkabo ke itse makgabisapuo moribo morethetho le morumo ken e ke tla go fatsa ka
mainamafatswa
Ka gale e ka re ke le lefaufaung ke lebeletse bophadiphading ke le paradaising ke tla
re…mme…mama…my mother…dankie vir alles!